Cover
Back

Botsipa Jwa Go Araba Setswana (IGCSE)

By (author) Neo A.Dikokola

ISBN : 9789996861550
Curriculum : Botswana Syllabus
Standard : FORM 4 and 5

Category : Setswana
Publisher : Show Casing Talents
Language : Setswana
Country : Botswana
Format : Paperback

P 245.0000

Delivery : Will be Dispatched in 3 days

Product Description

Mme Dikokola mo go ruteng ga gagwe mo dikoleng tse dikgolwane (Senior secondary schools) sebaka sa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano a re o itemogetse gore barutabana ba dira ka natla go neela bana kitso ya thuto ya Setswana ka padi, poko le yone puo tota. Ba dira go menagane go ruta bana go dirisa kitso ya bone go araba dipotso le gone go dirisa boboko le tlhaloganyo ya bone go akanya mo go maleba mme fela bontsi jwa baithuti fa go tla nako ya gore ba supe kitso eo le go kgona go supa fa ba akanyetsa se ba se botswang ga ba dire jalo.Kitso e ba e anywang mo barutabaneng ba bone ga ba e dirise ka fa barutabana ba ba rutuntshitseng ka teng. A re o itemogetse gore baithuti ka bontsi ga ba arabe dipotso ntswa ba itse dikarabo, a re ba bapa le dikarabo,ba itsapa go ipha nako ba akanyetsa se potso e se batlang le gone go ntsha karabo e maleba e ebileng ba e diretseng lenaneo(plan) O tlhalosa fa thuto ya padi ya Setswana e fenngwa ke ngwana yo o iphang nako ya go akanya,a sekaseka se potso e se batlang, a araba potso e bile a dirisa bosupi jo bo maleba mo go arabeng, a tlhopha ditiragalo tse di mmerekelang go tswa mo pading gape a sala morago se potso e se batlang. Fa tse tsotlhe di seo ga gona jaaka moithuti a ka fenya.Ngwana o tshwanetse go itse ditiragalo tseo mme a di dirise go araba potso eseng go anela ditiragalo tseo.Fa re sekaseka moalo wa ga BLOOMS WA DIKITSOKITSO o o farologanyang bana go ya ka bokgoni jwa go akanya ga bone re ka lemoga gore ngwana yo o ka fenyang thuto ya padi o tshwanetse go bo o kgona logato lwa bone lo lo kwa godimo ga go gakologelwa(remembering), go tlhaloganya(understanding)le go dirisa bosupi(application),logato loo ke lwa TSHEKATSHEKO(analysis). Bosupi joo kana bo tswa mo pading ka jalo o tshwanetse go bo sekaseka mo go arabeng potso. Ka jalo ga go na jaaka moithuti yo o sa itseng go sekaseka a ka fenyang thuto ya Setswana ya padi.

Product added to Cart
BOTSWANA SYLLABUS
CAMBRIDGE
REVISION BOOKS